Guide to applications and referrals

Transcription

Guide to applications and referrals
Kaedi ya dikopo le
dithomelo
go Lekgotla la Bosetšhaba la Badirisi
go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa Molato,
Molao 34 wa 2005
Setswana
Ela tlhoko: Maikaelelo a tokomane e ke go tlamela ka kaelo e e tlhaloganyegang
bonolo mo dikopong le dithomelo dingwe tse di ka leriweng kwa Lekgotlheng
la Bosetšhaba la Badirisi. Ga e a tshwanela go emisetsa tlhokego ya go
kopa thuso le kgakololo mo Molaong wa Bosetšhaba wa Molato, Melawana
ya Tsamaiso ya Dikgetse pele ga Lekgotlha la Bosetšhaba la Badirisi kgotsa
modiri yo o nang le dithutego tse di maleba tsa semolao.
Tshedimosetso e e fiwang maloko a baagi ke Lekgotla kgotsa badiri ba lona e
dirwa jalo kwa ntle ga kgobelelo mme ga e tlame mokgwa o Lekgotla le bonang
ka teng kgotsa go gataka molao. Lekgotla le dumela go se tseye maikarabelo
ape a ditiro tse baagi ba di dirang ka ntlha ya tshedimosetso e e neetsweng ke
Lekgotla kgotsa badiri ba lona.
Lekgotla la Bosetšhaba la Badirisi ke eng?
Molao wa Bosetšhaba wa Molato
o nnile molao mo Aforikaborwa ka
2006, mme wa tlhoma NCT.
ditshwetso le go atlhola dithomelo
tse di dirilweng le Molaodi wa
Bosetšhaba wa Molato.
Lekgotla la Bosetšhaba la Badirisi
(NCT) ke mokgatlho o o ikemetseng,
o maikaelelo a ona e leng go
fitlhelela tekatekano le tshiamo
mo go mongwe le mongwe mo
mmarakeng wa badirisi le molato.
NCT e reetsa matlhakore
otlhe a ngangisano pele ga e
tsaya tshwetso. Tshwetso e e
tseilweng ke NCT ke ya maemo
a a tshwanang le a e e tseilweng
kwa Kgotlatshekelongkgolo ya
Aforikaborwa.
NCT e fitlhelela maikaelelo a yona ka
go tsereganya ka tekatekano le ka
go ikemela mo dikganetsanong tse
di ka ga molato tsa modirisi. Dikopo
le dithomelo di ka tlisiwa fa pele ga
yona ke motsayakarolo mongwe le
mongwe mo mmarakeng wa molato
le Molaodi wa Bosetšhaba wa
Molato. Gape le ka nna la thadisa
Ditlhopha tse di farologaneng di ka
tlisa kopo kwa Lekgotleng. Tsona ke:
• Modirisi. Yo ke motho yo o rekang
dithoto le ditirelo ka tumelano ya
molato;
• Mongongoregi. Yo ke mongwe
yo o tsentseng ngongorego
kwa go Molaodi wa Bosetšhaba
wa Molato, a kaya gore Molao
wa Bosetšhaba wa Molato o
gatakilwe;
“motlamedi wa molato
ke motho yo o tlamelang
dithoto le ditirelo ka
tumelano ya molato kgotsa
yo o adimisanang ka madi
kgotsa molato.”
• Mokwadisiwa kgotsa mongwe yo
o eletsang go kwadisiwa. Yo ke
motho kgotsa setlhopha se se
kwadisitsweng kgotsa a eletsa
go kwadisiwa jaaka motlamedi
wa molato, biro ya tseisomolato
kgotsa mogakolodi wa molato.
-- motlamedi wa molato ke motho
yo o tlamelang dithoto le ditirelo
ka tumelano ya molato kgotsa
yo o adimisanang ka madi
kgotsa molato;
-- biro ya tseisomolato ke
mokgatlho (jaaka setlamo)
o, gareng ga tse dingwe, o
amogelang le go kokoanya
dipego ka ga ditumelano tsa
molato, dikopo tsa molato,
hisetori kgotsa diphethene tsa
tuelo kgotsa tshedimosetso ya
molato wa modirisi;
-- mogakolodi wa molato ke
mongwe yo o ikwadisitseng
le Molaodi wa Bosetšhaba
wa Molato (NCR) le go thusa
badirisi ba ba itemogelang
mathata a a amanang le
molato mme ba palelwa ke go
duela dituelo tsa bona tsa ga
jaana tsa kgwedi. Mogakolodi
wa molato o ba tlamela ka
tshegetso ya kgakololo ya
tekanyetso le tsereganyo le
batlamedi ba molato.
• Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato
o netefatsa gore batsayakarolo
botlhe mo ditirong tsa mmaraka
wa molato ba tsamaisana le
Molao wa Bosetšhaba wa Molato.
Molaodi wa Bosetšhaba wa
Molato o tlhomilwe ke Molao wa
Bosetšhaba wa Molato go tlhoma
mmaraka o o fitlhelegang wa
molato, go kwadisa batho ba ba
tlhokang ikwadiso mo Molaong,
o rotloetsa melawana ya Molao
wa Bosetšhaba wa Molato le go
nna le maikarabelo mo patlisisong
le tshedimosetso ya baagi ka ga
merero ya molato wa badirisi.
DIKOPO LE DITHOMELO
Ke mang yo a ka tlisang kopo kgotsa go romela
kgetse kwa NCT?
Ke mefuta efe ya dikopo le dithomelo e e ka tlisiwang
kwa Lekgotleng?
Go na le mefuta e e farologaneng
e le 34 ya dikopo tse di ka tlisiwang
kwa Lekgotleng. Mengwe ya
mefuta ya dikopo di tlhalositswe mo
Lenaneo 1 la Melawana ya Tsamaiso
ya Dikgetse pele ga Lekgotla la
Bosetšhaba la Badirisi (Tsiboso ya
Puso ya 30225, 28 Phatwe 2007).
Ditlhokego tsa mofuta mongwe le
mongwe wa kopo di tlhalositswe mo
Lenaneo 1 la Melawana. Dithomelo
ke ditatofatso tsa dikgatako tsa
Molao gore di atlholwe ke Lekgotla.
Di ka nna tsa dirwa ke Molaodi wa
Bosetšhaba kgotsa ke modirisi.
Ke mefuta efe ya dikgetse tse di ka tlisiwang kwa
Lekgotleng ke mongongoregi?
Nomore ya Kopo
kgotsa Thomelo
Mongongoregi ke mongwe yo o tlhatletseng
ngongorego kwa go Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato
gore a di batlisise, a kaya fa Molao wa Bosetšhaba wa
Molato o gatakakilwe.
Kopo ya go tsenya kopo ya letsatsi go romela kgetse e
e sa romelweng
Kopo ya Karolo
141 (1)(b)
Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato a ka nna a tsaya
tshwetso fa a amogela ngongorego:
• go se romele kgetse, moo mongongoregi a
rometseng kgetse kwa Lekgotleng ka boena;
• go romela kgetse kwa mogakoloding wa molato (fa
e bonala e le ya go ipolaisa molato kgotsa go nna le
molato o o botlhaswa), kgotsa kwa go motsereganyi
wa dikgetse yo o nang le taolo, kgotlatshekelo
ya badirisi, kgotsa modiredi wa tharabololo ya
dikganetsano, kgotsa motlhatlhobi go batlisisa.
Kopo ya Karolo
139 (1)(a)
DIKOPO LE DITHOMELO
Fa Molaodi a setse a batlisitse ngongorego a ka:
• Rebola kitsiso ya go se romele mme mongongoregi
a ka romela ditatofatso tsa kgatako ya Molao
kwa Lekgotleng ka boena go atlhola le go batla
tharabololo;
• Romela kgetse gore e atlholwe le tshwetso e e yang
kwa Lekgotleng kgotsa kgotlatshekelo ya badirisi;
• Tsenya kopo kwa Lekgotleng fa ngongorego e le
ka ga kgetse e Lekgotla le ka e dirisang ka nako ya
kopo;
• Romela kgetse kwa Bothating jwa Bosetšhaba jwa
Botšhotšhisi fa ngongorego e amana le molato wa
tshenyo go ya ka Molao.
Ela tlhoko:
Fa mongongoregi a sa kgotsofalela tshwetso ya ga
Molaodi ya go se romele kgetse go sa tshwenye gore
a ke pele kgotsa morago ga patlisiso, a ka romela
kgetse ka tlhamalalo kwa Lekgotleng gore le e atlhole
e na le kitsiso ya go se romelwe go tswa kwa go
Molaodi. Namolo ya ka bonako
Fa ngongorego e sa ntse e batlisisiwa ke Molaodi,
pele kgotsa ka nako ya theetso ya ngongorego,
mongongoregi a ka nna a tlhoka namolo ya ka bonako.
Mo lebakeng le, a ka nna a tsenya kopo ya namolo ya
ka bonako (e e itsegeng jaaka namolo ya nakwana)
mo Lekgotleng. Gore mongwe le mongwe a kgone go
tsenya kopo ya namolo ya nakwana, o tshwanetse a bo
a setse a tlhatletse ngongorego kwa go Molaodi.
Kopo ya Karolo
149
Ke mefuta efe ya dikgetse tse di ka tlisiwang kwa
Lekgotleng ke mokwadisiwa, kgotsa mongwe yo o
eletsang go nna mokwadisiwa?
Nomore ya Kopo
kgotsa Thomelo
Mokwadisiwa ke motho kgotsa setlhopha sa batho
se se dirang jaaka motlamedi wa molato, biro ya
tseisomolato kgotsa mogakolodi wa molato (leba
fa godimo). Go na le dikgetse di le mmalwa tse
mokwadisiwa a ka di tlisang kwa Lekgotleng.
Thadiso ya dikitsiso tsa kobamelo tse di rebotsweng ke
Molaodi
Kopo ya Karolo
56 (1)
Molaodi a ka swetsa gore:
Kopo ya Karolo
• Mokwadisiwa ga a kwadisetswa ditiro tse a di dirang; 59 (1)
• Ditiro tsa mokwadisiwa ga di letlelelwe ke Molao;
• Mokwadisiwa ga a obamela melawana ya Molao
kgotsa mabaka a ikwadiso ya gagwe.
Jalo Molaodi o tlaa rebola kitsiso ya kobamelo e mo go
yona mokwadisiwa o tlaa gakololwang gore ke eng se
a tshwanetseng go se dira, kgotsa se a sa tshwanelang
go se dira.
Mokwadisiwa yo o sa kgotsofalelang kitsiso e e
rebotsweng ke Molaodi a ka na a tsenya kopo kwa
Lekgotleng gore le thadise tshwetso ya ga Molaodi le
go e beela kwa thoko.
Thadiso ya ditshwetso tsa ga Molaodi mabapi le
ditshitshinyo tsa dipuo
Fa Molaodi a swetsa go se amogele ditshitshinyo tsa
mokwadisiwa tsa puo, kgotsa go kopa gore a romele
tshitshinyo e ntšhwa, mokwadisiwa a ka nna a tsenya
kopo kwa Lekgotleng go thadisa tshwetso ya Molaodi.
Kopo ya Karolo
63 (5)
Nomore ya Kopo
kgotsa Thomelo
Modirisi ke motho yo o rekang dithoto le ditirelo. Tseno
di ka duelelwa ka madi a a seatleng kgotsa ka molato,
ka go adima madi mo motlameding yo o dumeletsweng
wa molato. Modirisi o dumela go duela gape madi a a
a adimileng, a na le morokotso, mo sebakeng se se
rileng.
Go sa romelwe ga setifikeite sa kgololo
Kopo ya Karolo
71 (3)
Mo mabakeng a fa modirisi a sa kgonang go duela
madi a a a adimileng ka nako e go dumelanweng ka
yona, o tlola tumelano, mo go rayang gore tumelano ga
e a diragadiwa. Mo dikgetseng tse dingwe, motlamedi
wa molato a ka tswa a letleletse modirisi go adima
madi a mantsi thata, kwa ntle ga go netefatsa gore a o
tlaa kgona go a busa.
Mo mabakeng a a ntseng jalo, modirisi a ka nna a
itlhagisa kwa go mogakolodi wa molato go mo thusa
ka gore dituelo tsa gagwe di fetolwe gore a kgone go
di duela. Fa modirisi a setse a duetse molato otlhe,
mogakolodi wa molato a ka nna a kopiwa go ntsha
setifikeite sa kgololo se se tlaa rebolwang fa ditlamego
tsotlhe tsa gagwe di diragaditswe. Le fa go ntse jalo,
fa mogakolodi wa molato a sa rebole setifikeite sa
kgololo, modirisi a ka nna a kopa Lekgotla go thadisa
seno.
“Mo mabakeng a fa modirisi a sa kgonang go duela
madi a a a adimileng ka nako e go dumelanweng ka
yona, o tlola tumelano, mo go rayang gore tumelano
ga e a diragadiwa.”
DIKOPO LE DITHOMELO
Ke mefuta efe ya dikgetse tse di ka tlisiwang kwa
Lekgotleng ke badirisi?
Motshwarapane o tla duelela dithoto tse di latlhegileng
kgotsa tse di rekisitsweng pele ga nako thata
Kopo ya Karolo
99 (2)
Ka dinako tse dingwe, modirisi o adima madi mo
motshwarapaneng a refosa dithoto go duela molato
wa gagwe otlhe. Fa modirisi a duela melato ya gagwe
ka nako, a ka nna a kopana le motshwarapane
gore a busediwe dithoto tsa gagwe. Le fa go ntse
jalo, fa motshwarapane a latlhile kgotsa a rekisitse
dithoto, modirisi a ka nna a kopa Lekgotla go laela
motshwarapane go duelela dithoto tse di latlhegileng
kgotsa tse di rekisitsweng.
Kanego ya akhaonte
Modirisi o na le tshwanelo ya go kopa motlamedi wa
molato kanego ya akhaonte. Yona e tshwanetse go
bontsha:
• Palogotlhe ya madi a a kolotiwang ka nako e e rileng
(ke gore, maditshalelo a ga jaana);
• Madi a a duetsweng (sekao, ka tuelo e e dirilweng
ke modirisi);
• Madi a a setseng a kailwe jaaka molato (sekao,
morokotso o o duedisiwang ke motlamedi wa
molato);
• Madi a a saletseng kwa morago (ke gore madi a a
sa duelwang ka nako); le
• Madi a a tletseng a a tshwanetseng go duelwa go
duelela sengwe le sengwe se se kolotiwang, go
duela madi otlhe a molato.
Fa motlamedi wa molato a sa dire gore kanego ya go
nna jalo ya akhaonte e nne teng mo go modirisi, a ka
nna a kopana le Lekgotla gore motlamedi wa molato a
dire jalo.
Kopo ya Karolo
114 (1)
Kopo ya Karolo
115 (1)
Ka dinako tse dingwe, modirisi a ka nna a se dumelane
le sengwe mo kanegong ya gagwe ya akhaonte
le motlamedi wa akhaonte. Seno se itsege jaaka
kwadiso e e ganediwang. O tshwanetse go leka pele
go dumelana le motlamedi wa molato. Fa a sa ntse
a sa kgone, o tshwanetse go ya kwa go Molaodi,
motsereganyi, kgotlatshekelo ya badirisi ya porofense
kgotsa modiri yo mongwe yo o fedisang dikganetsano.
Fa go sa ntse go sa dumelanwe ka sepe, jalo modirisi a
ka ya kwa Lekgotleng go bona tshwetso ka ga kwadiso
e e ganediwang.
Go sa kgotsofalele thekiso ya dithoto
Fa badirisi ba itemogela mathata a go duelela dithoto
tse ba di rekileng ka molato, ba ka nna ba phimola
tumelano le go busetsa dithoto tseo kwa go motlamedi
wa molato. Fa ba paletswe ke go diragatsa tumelano
motlamedi wa molato a ka phimola tumelano mme a ka
nna a tsaya dikgato tse di tlhalositsweng mo Molaong
gore a busediwe dithoto. Fa motlamedi wa molato
a tshwere dithoto, go sa tshwenye gore a dithoto
tse di ne di busitswe ke modirisi kgotsa di gapilwe,
motlamedi wa molato o tshwanetse go rekisa dithoto
dithoto mo nakong e e utlwalang le gona ka tlhwatlhwa
e e bonalang. Tlhwatlhwa e motlamedi wa molato a
e amogelang e dirisetswa go duela molato otlhe wa
modirisi. Fa modirisi a sa itumelela thekiso ya dithoto,
a ka nna a kopana le Lekgotla, mme ke fela morago
ga fa modirisi a lekile kwa ntle ga katlego go rarabolola
thekiso e e ganediwang ya dithoto, go bona taelo ya
gore motlamedi wa molato a duele madi a tlaleletso go
modirisi.
Kopo ya Karolo
128 (1)
DIKOPO LE DITHOMELO
Kwadiso e e ganediwang
Ke mefuta efe ya dikgetse tse di ka tlisiwang kwa
Lekgotleng ke batlamedi ba molato le dibiro tsa
tseisomolato?
Nomore ya Kopo
kgotsa Thomelo
Motlamedi wa molato ke motho yo o tlamelang dithoto
le ditirelo mo molaong wa tseisomolato kgotsa madi a a
kwa pele kgotsa molato.
Biro ya tseisomolato ke mokgatlho (jaaka setlamo) o,
gareng ga tse dingwe, o amogelang le go kokoanya
dipego ka ga ditumelano tsa molato, dikopo tsa
molato, hisetori kgotsa diphethene tsa tuelo kgotsa
tshedimosetso ya molato ya modirisi.
Batlamedi ba molato le dibiro tsa tseisomolato di ka
lere dikgetse tse di latelang kwa Lekgotleng:
Tekanyetso ya ditlamego
Modirisi o na le tshwanelo ya go kopa motlamedi wa
molato:
• Lebaka le le kwadilweng la gore ke goreng kopo ya
gagwe ya molato e sa amogelwa kgotsa molato wa
bona o fedisitswe;
• Dikhophi tsa ditokomane tse di amanang le hisetori ya
bona ya molato, fa e le gore di latlhegile;
• Kanego ya maditshalelo a a kolotiwang;
• Madi a go duela molato otlhe, ke kanego ya madi a o
tlaa a tlhokang go duela molato otlhe ka yona nako eo.
Modirisi o na le tshwanelo ya go kopa biro ya
tseisomolato:
• Tshedimosetso ka ga modirisi e e tshwerweng ke biro
ya tseisomolato;
• Patlisiso ya gore tshedimosetso ya go nna jalo e nepile
go le kana kang.
Kopo ya Karolo
142 (3)(f)
DIKOPO LE DITHOMELO
Le fa go ntse jalo, motlamedi wa molato kgotsa biro ya
tseisomolato a ka nna a dumela gore dikopo tsa go nna
jalo ke tsa lefela (dikopo ga di na motheo), di a tena
(dikopo di dirilwe fela go baka mathata kgotsa go tena),
kgotsa ga di utlwale. Mo lebakeng le, kopo e ka tsenngwa
ke motlamedi wa molato kgotsa biro ya tseisomolato
gore Lekgotla le lekanyetse ditlamego tsa lona go neela
mabaka, dikanego tsa ditokomane kgotsa go duela madi
otlhe.
Dipoelo tsa thekiso ya dithoto
Kopo ya Karolo
127 (6)
Modirisi a ka tswa a neile motlamedi wa molato dithoto
go duela molato, mme motlamedi wa molato a ka tswa
a rekisitse dithoto go duela molato wa modirisi. Mo
mabakeng a mangwe, palogotlhe ya madi a a dirilweng
mo thekisong ya dithoto a ka tswa a feta molato wa
modirisi. Fa e le gore motlamedi yo mongwe wa
molato o na le tumelano e e kwadisitsweng ya molato
le modirisi ena yo ka tsona dithoto tse, jalo madi a
a bonwang go tswa mo thekisong a tshwanetse go
kgaoganngwa sentle ka tekano fa gare ga batlamedi ba
dithoto.
Ke mefuta efe ya dikgetse tse di ka tlisiwang kwa
Lekgotleng ke Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato?
Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato (NCR) ke
mokgatlho o o dirang jaaka “lepodise” mo batlameding
ba molato le go netefatsa gore ditiro tsa bona di
tsamaisana le Molao wa Bosetšhaba wa Molato.
Molaodi a ka nna a tlisa dikgetse tse di latelang kwa
Lekgotleng:
Nomore ya Kopo
kgotsa Thomelo
Molaodi a ka nna a kopa Lekgotla go phimola kwadiso Kopo ya Karolo
ya dikgetse tsa mokwadisiwa moo mokwadisiwa:
57 (1)
• A sa obameleng mabaka a ikwadiso ya lona gantsi
thata;
• A sa fitlheleleng tlamego ya ikwadiso ya lona; kgotsa
• A dira ka tsela e e fapaaneng le melawana ya Molao.
Maikarabelo a batlamedi ba molato
Kopo ya Karolo
82 (4)
Motlamedi wa molato o tshwanetse go nna le
maikarabelo fa a naya molato, mme a ka se kgone
go naya molato go mongwe yo o ka se kgoneng go
duela molato wa gagwe. Fa motlamedi wa molato
a naya batho ba ba sa kgoneng go duela melato ya
bona molato gantsintsi, ga a na maikarabelo. Go tsaya
tshwetso ya gore ke mang a ka adimang madi kgotsa
go reka dithoto ka molato, le gore ke ka mabaka afe, a
motlamedi wa molato a ka itirelang dikaedi tsa gagwe.
Dikaedi tse di ka neelwa thebolo ya pele ke Molaodi.
Kgotsa, Molaodi a ka dira dikaedi tse batlamedi ba
molato ba ka di lebang fa ba tsaya ditshwetso. Fa
motlamedi wa molato a palelwa ke go dira sentle kwa
ntle ga boitebo, Molaodi a ka nna a tsenya kopo kwa
Lekgotleng ya taelo ya gore motlamedi wa molato
a dirise dikaedi tse di dirilweng ke Molaodi, kgotsa
dikaedi tse di mo tlhomamong le tiriso mo intasetering,
jaaka go tlhomamisitswe ke Lekgotla.
Kganetsano ka ga tshedimosetso
Fa go na le kganetsano le biro ya tseisomolato ka ga
tshedimosetso e e e tshwereng, Molaodi a ka nna a
kopa Lekgotla go rarabolola kganetsano.
Kopo ya Karolo
137 (1)(a)
Kopo ya Karolo
137 (1)(b)
Molaodi a ka nna a kopa Lekgotla go gatisa ntlha
ya gore motlamedi wa molato a neele kanego ya
akhaonte, kgotsa go tsaya tshwetso ya gore a kanego
ya akhaonte e nepagetse.
Thadiso ya thekiso ya dithoto
Kopo ya Karolo
137 (1)(c)
Molaodi a ka nna a kopa Lekgotla go thadisa thekiso
ya dithoto, kgotsa kanamiso ya dipoelo tsa thekiso.
Tetla ya go tlisa ngongorego pele ga nako
Kopo ya Karolo
137 (1)(d)
Molaodi a ka nna a kopa tetla ya go tlisa ngongorego
ka tlhamalalo go Lekgotla pele ga patlisiso ya
ngongorego e konosediwa. Sekao, kgetse e ka
tlhoka go romelwa kwa diforamong tse dintsi tse di
farologaneng tse di ka e diegisang thata.
Thomelo ya tsamaiso e e kganetsweng
Kopo ya
Karolo140 (1)
Molaodi o tshwanetse go batlisisa ngongorego mme
fa a dumela gore motho o ntse a na le seabe mo
tsamaisong e e kganetsweng go ya ka Molao, a ka nna
a romela kgetse kwa Lekgotlheng go reediwa.
Tsereganyo ya Molaodi
Fa mokgatlho mongwe o tlisa kopo kwa Lekgotleng
mme Molaodi a ise a nne karolo ya kopo eo, jalo mo
mabakeng mangwe (jaaka go tlhalositswe mo s137)
Molaodi a ka nna a tsereganya mo kopong eo.
Kopo ya
Molawana 11
DIKOPO LE DITHOMELO
Kanego ya akhaonte
Tetla ya go dirisa ditokomane tse di rometsweng thari
Kopo ya
Karolo137 (1)(e)
Fa ditokomane tse di tlhokegang mo kgetseng di sa
romelwe ka letlha le le tlhokegang kgotsa pele ga lona,
Molaodi a ka nna a kopa go letla ditokomane tse go
dirisiwa mo kgetseng mo pele ga Lekgotla.
Ke mefuta efe ya dikgetse tse di ka tlisiwang kwa
Lekgotleng ke mekgatlho e mengwe.
Nomore ya Kopo
kgotsa Thomelo
Ditaelo tsa tumelano
Kopo ya Karolo
138 (1)
Fa modirisi a saletse thata kwa morago ka dituelo tsa
dikarolotuelo tsa gagwe tsa molato, kgotsa a dirile
molato o a sa o kgoneng, a ka nna a kopa mogakolodi
wa molato go mo thusa go thadisa mabaka a phetolo
ya tuelo go nna e a ka e kgonang. Fa go setse go
dirilwe tumelano go ya ka mabaka a mantšhwa le
mekgatlho yotlhe, jalo dithulaganyo tse dintšhwa di
romelwa ka Lekgotleng. Fa Lekgotla le di amogela,
di nna taelo ya tumelano ya Lekgotla. Mekgatlho e
e farologaneng e ka kopa taelo ya tumelano kwa
Lekgotleng. Ba akaretsa motsereganyi, kgotlatshekelo
ya badirisi, modiri yo mongwe wa tharabololo ya
dikganetsano, Molaodi wa Bosetšhaba wa Molato,
kgotsa mogakolodi wa molato.
Thomelo ya go se na tumelano
Kopo ya Karolo
137 (3)
Fa modirisi le motlamedi wa molao ba sa kgone go
dumelana ka kganetsano ya molato ka tharabololo e
nngwe ya kganetsano, mokgatlho mongwe le mongwe
o ka tsenyakopo go rarabolola kgetse.
“Fa modirisi a saletse thata kwa morago ka dituelo tsa dikarolotuelo
tsa gagwe tsa molato, kgotsa a dirile molato o a sa o kgoneng, a ka
nna a kopa mogakolodi wa molato go mo thusa go thadisa mabaka
a phetolo ya tuelo go nna e a ka e kgonang.”
DIKOPO LE DITHOMELO
Fa modirisi le motlamedi wa molato ba sa kgone
go dumelana ka kganetsano ya molato, kgetse e
tshwanetse pele go romelwa kwa modiring wa ADR,
motsereganyi yo o nang le taolo kgotsa kgotlatshekelo
ya badirisi. Fa ADR e palewa, modirisi a ka nna a faela
kopo le Lekgotla. Fa kgetse e ne e diriwa ke modiri
wa ADR, modirisi o tshwanetse go bona setifikeite go
tswa mo go modiri wa ADR go tlhalosa gore ADR e
paletswe mme modirisi o tshwanetse go faela kopo mo
malatsing a le 20 morago ga go palelwa ga ADR. Fa
modirisi a sa kgone go faela kopo mo malatsing a le
20, modirisi o sa ntse a ka tsenya kopo kwa Lekgotleng
mme Lekgotla le ka nna la dumela go reetsa kgetse fa
fela modirisi a kgona go bontsha gore go ne go na le
lebaka le le siameng la gore ke goreng a sa faela kopo
mo malatsing a le 20.
Le fa go ntse jalo, fa modiri wa tharabololo ya
dikganetsano a sa kgone go rarabolola kganetsano,
jalo modiri o rebola setifikeite sa tharabololo e e
palegileng ya kganetsano mme motlamedi wa molato
kgotsa modirisi a ka nna a faela kopo ya karolo 137
(30) kwa Lekgotleng.
Go nna le seabe ga mekgatlho yotlhe
Fa go na le mekgatlho e e nang le kgatlhego mo
kganetsanong, fela ba ise ba akarediwe mo kgetseng,
foo ba ka kopa Lekgotla go ba letla gore ba nne le
karolo ya kgetse.
Thomelo ya kwa foramong e nngwe
Mokgatlho mongwe le mongwe o ka kopa Lekgotla
go romela kgetse kwa forameng e nngwe. Sekao,
fa kgetse e rometswe ke Molaodi go ya kwa
kgotlatshekelong ya badirisi, modirisi a ka nna a kopa
gore kgetse e romelwe kwa kgotlatshekelong e nngwe
ya badirisi kgotsa kwa Lekgotleng.
Kopo ya
Molawana 12
Kopo ya Karolo
140 (4) kgotsa
141 (2)(a)
Tetla ya go faela ditokomane tse di thari
Kopo ya Karolo 34
Fa mokgatlho mongwe o sa kgona go faela ditokomane
ka nako, kgotsa ka ntlha ya mabaka mangwe ba sa
kgone go obamela melao ya Lekgotla, o ka nna wa
tsenya kopo ya go letlelewa go faela ditokomane
thari kgotsa go tshwarela diphapogo tse dingwe tsa
melawana.
Go romelwa kwa phaneleng e e feletseng ya Lekgotla
Kopo ya Karolo
148 (1)
Fa mokgatlho mongwe o sa kgotsofalela tshwetso ya
leloko le le lengwe la Lekgotla, o ka nna wa ikuela kwa
phaneleng e e tletseng (maloko a le 3) ya Lekgotla.
Paakanyo ya phoso mo katlholong kgotsa taelo ya
Lekgotla
Fa go na le phoso mo taelong, mokgatlho mongwe o
ka nna wa tsenya kopo gore e baakanngwe.
Kopo ya Karolo
165
Dikgato tse di latelang di tlaa go thusa go isa kgetse kwa Lekgotleng. Fa o
sala morago dikgato tse ka kelotlhoko, o tlaa boloka nako mme mathata a
gago a tlaa rarabololowa ka bonako.
1
Tlhaola ka tlhomamo mofuta wa kopo o o tshwanetseng go
o faela. Mefuta ya dikopo e tlhalositswe mo Lenaneo 1 la
Melawana mme ditlhokego tsa kopo nngwe le nngwe tse di
tlhalositsweng mo Lenaneong 2 mo Melawaneng. Go dira jalo,
o tlhoka go buisa Melawana ya tsamaiso ya dikgetse pele ga
Lekgotla la Bosetšhaba la Badirisi (Kitsiso ya Puso ya 30225,
28 Phatwe 2007). O ka nna wa bona Melawana mo www.
thenct.org.za, kgotsa etela dikantoro tsa Lekgotla mo badiri ba
tla itumelelang go go thusa.
Go na le ditekanyetso tsa nako ya go romela dikopo. Di ele
tlhoko mme o dire go ya ka tsone. Fa o le thari go tsenya kopo,
o ka nna wa tsenya kopo kwa Lekgotleng go go letla gore o
nne le nako ya go faela, o neela mabaka a a siameng a gore
ke goreng o sa faela kopo mo nakong e e letlelelwang.
3
2
Tlatsa foromo e e nepagetseng. O tlaa leba Lenaneo 2 la
Melawana gore ke (di)foromo efe e o tshwanetseng go e tlatsa.
O tlaa bona diforomo mo Melawaneng le mo Molaong wa
Bosetšhaba wa Molato. Tsona ka bobedi di mo www.thenct.org.
za.
Akaretsa ditokomane tse dingwe kgotsa dikhophi tsa
ditokomane tse o di tlhokang jaaka karolo ya kopo ya gago,
jaaka go tlhalositswe mo Lenaneo 2, le mo kopong ya gago.
4
DIKOPO LE DITHOMELO
Dikgato tsa go faela kopo kgotsa thomelo
Dikgato tsa go faela kopo kgotsa thomelo
5
Duela tuelo ya kopo mo akhaonteng ya banka ya Lekgotla
mme o tsenye khophi ya selipi sa tipositi kgotsa mofuta o
mongwe wa tuelo mo kopong ya gago. Fa o sa kgone go duela,
o ka nna wa kopa Modulasetilo wa Lekgotla gore a beele tuelo
kwa thoko.
Leba Lenaneo 2 la Melawana mabapi le gore ke mang yo o
tlhokang go itsisiwe ka ga kopo le go neelwa dikhophi tsa kopo.
Eno ke mekgatlho mo kopong.
7
6
Netefatsa gore mekgatllho yotlhe mo kopong e filwe dikhophi
tsa ditokomane tsa kopo jaaka go tlhalositswe mo Lenaneong
2 la Melawana. Mametlelela bosupi jo jwa thomelo ya kopo.
Bosupi jwa thomelo bo ka nna tokomane e e saenilweng go
tswa kwa mokgatlhong gore ba e amogetse, kgotsa rasiti ya
poso e e kwadisitsweng.
Faela kopo ya gago le ditokomane tsotlhe tse di tlhokegang
le tuelo (ntle le fa o na le tetla go tswa kwa go Modulasetilo
wa Lekgotla go sa duele) tse di tlhalositsweng mo Lenaneo 2
la Melawana le Lekgotla. Seno se ka dirwa ka imeile, fekese,
poso, kgotsa ka go e isa ka namana. Leba fa tlase go bona
dintlha tsa kgolagano tsa Lekgotla.
8
Fa o tlhoka thuso ka kopo ya gago, tsweetswee ikgolaganye le Mokwadisi wa
Lekgotla:
Mogala:
012 683 8140
Imeile:
[email protected]
Fekese:
012 663 5693
Aterese ya Poso:
Private Bag X110
Centurion
0046
Aterese ya tulo:
Ground floor
East Wing
Block B
Lakefield Office Park
272 West Avenue
c/o West and Lenchen North
Centurion
DIKOPO LE DITHOMELO
O ka ikgolaganya jang le Lekgotla
Aterese ya tulo:
Ground floor
East Wing
Block B
Lakefield Office Park
272 West Avenue
c/o West and
Lenchen North
Centurion
Aterese ya Poso:
Private Bag X110
Centurion
0046
Mogala: 012 683 8140
Fekese: 012 663 5693
www.thenct.org.za

Similar documents

People`s Guide to the Budget

People`s Guide to the Budget Mmuso o dirisa tekanyetso-kabo e e kana ka diperesente di le 60 mo mafapheng a pholo, thuto, meago, dipalangwa le di diriswa tsa metseselegae. Se ke boitshupo jo bo tletseng jwa maikano a mmuso go ...

More information

Pula/Imvula Lekwalo la Grain SA la balemipotlana Sedimonthole 2013

Pula/Imvula Lekwalo la Grain SA la balemipotlana Sedimonthole 2013 Thibelelo ka go tswelela Karabo e le esi ya go kgona go tlosa mathata a a tlisiwang ke petlhu go kumo ya gago e tshwanetse go batlwa mo lenaneong la bolaodi la tse dingwe. Dilo tse dingwe tse, di k...

More information